DITIRELO TSA PUO MO DIATLENG TSA GAGO
Re bo mang?
Karolo ya Botsamaisi ya Puo ya Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa (SAPS) e ne ya tlhamiwa ke botsamaisi go go tlamela ka tirelo ya porofešenale ya puo.
Re dira eng?
Re tlamela badirelwa ba rona ka ditirelo tse di latelang tsa porofešenale tsa puo:
Phetolelo-Go fetolela ka nepagalo diteng tsa tokomane mo puong e nngwe. Re fetolela mo dipuong di le dintsi tsa Aforika Borwa ka fa gare le go tswa mo go tsona, e bile re ka rulaganya gore ditokomane di fetolelwe mo puong nngwe le nngwe e nngwe le go tswa mo go yona.
Go tseleganya-Go tokafatsa puo le setaele sa ditokomane mo puong nngwe le nngwe e e rileng. Re neelana ka tirelo ya go tseleganya ka dipuo tsotlhe tsa semmuso.
Go fefera-Go keleka dikhophi morago ga fa leyakgatiso le se na go rulaganngwa gape pele le gatisiwa.
Katiso-Go tlamela le go gokaganya dikhoso tse di malebana le Bokgoni jwa go Kwala jo bo mabapi le Kgwebo, Puo ya Diatla ya Aforika Borwa, le Dipuo tsa Aforika.
Boranoledi-Go fetisetsa ka molomo tshedimosetso e e reeditsweng go tswa mo puong e nngwe go ya go e nngwe. Re tlamela ka tirelo ya boranoledi go tswa mo puong e nngwe go ya go e nngwe, go akaretsa Puo ya Diatla ya Aforika Borwa.
TISSA-Tirelo ya ka bonako ya go boranoledi ka mogala e teng ka dipuo tsotlhe tsa semmuso.
Pholisi ya puo-Re dira pholisi e ntšhwa ya puo le thulaganyo ya tsenyotirisong malebana le SAPS.
Tsereganyo ya dingongorego tsa puo-O amogelesegile go ka ikgolaganya le rona fa o akanya gore ditshwanelo tsa gago tsa puo di a gatakiwa. Re ya go neelana ka kgakololo le go tsereganya magareng ga ditlhopha, fa go tlhokega.
Kokoanyotshedimosetso ya puo-Tshedimosetso ka ga dikhoso tsa puo, diathikele tsa bobegakgang ka ga merero ya puo, babebofatsi ba Po ya Diatla ya Aforika Borwa, batlamedi ba tirelo ya puo, le dikgolaganyo tsa puo di teng go wena.
Tirelo ya kgakololo ka ga puo-o ka nna wa re leletsa kgotsa wa re romela imeili ka ga ngongorego nngwe le nngwe kgotsa ka ga dipotso dingwe le dingwe tse di malebana le puo tse o ka tswang o na le tsona.
Tsebe ya web-setheo se se siameng sa tshedimosetso ka ga merero ya puo se teng mo interaneteng ya SAPS. A ga o na bonnete ka ga mokgwa wa tokomane e e rileng? Bona letlhakore le le siameng go tswa mo tsebeng ya rona ya web!
Dithekenoloji tsa Puo ya Batho -Re thusa ka ditharabololo tsa thekenoloji go dikgwetlho tsa puo, jaaka go tlhama ditheo tsa thuso tsa dipuo di le dintsi le boranoledi ka mogala.
Goreng ditirelo tsa puo?
A o kile wa akanya fa batho ba gago ba tlhaloganya se o lekang go se tlhagisa, ka moo o batlang ka teng? Badiri ba rona ba puo ba katisitswe sentle e bile ba na le bokgoni mo ntlheng ya go netefatsa fa tlhaeletsano ya gago le batho ba gago e ya go nna e e maatla gape e nonofile.
Re dira se jang?
Mekgwa e e farologaneng e a dirisiwa, go akaretsa -
Go rulaganya dikakanyo ka tatelano e e siameng; go tlhopha lefoko kgotsa lereo le le maleba le le yang go fetisa bokao jo bo tlhokegang kgotsa pharologano e e siameng; go nyalanya mafoko go tshwanela batho ba ba lebilweng; go tlhopha mokgwa o siameng wa tlhaeletsano; o o akaretsang go swetsa ka tiriso e e siameng ya ditemana, dikatemana le sekgala se sesweu; le go netefatsa fa tokomane e nepagetse mo dintlheng tsotlhe tsa thutapuo, sekao: malebana le mokgwa, paka, makopanyi, mopeleto le peo ya matshwao a puiso. A o gakgametse? Badiri ba puo ba dira thata e seng fela go siamisa mopeleto wa gago le dipaka tsa gago- ka mafoko a mangwe, re solofela gore o be o sekasekile tokomane ya gago ka khomphiutara pele o re romela yona go tseleganngwa kgotsa go fetolelwa.
Ke ditokomane dife tse di tshwanetseng go romelwa go rona?
O amogelesegile go romela tokomane nngwe le nngwe ya semmuso ya SAPS go rona go fetolelwa kgotsa go tseleganngwa. Le fa go ntse jalo, re atlanegisa fa ditokomane tse di latelang di tshwanetse go romelwa go rona pele di ka konosediwa;
Mememorantamo ya tlhomo go Tona ya Tshireletso le Pabalesego
Dintlha tsa tshedimosetso go Komišinara ya Bosetšhaba kgotsa go Tona ya Tshireletso le Pabalesego
Disekhula tsa tlhomo
Ditaelo tsa bosetšhaba le ditokomane tsa pholisi (tlhomo)
Makwalo a a lebisiwang kwa setšhabeng, kwa mekgatlhong ya setšhaba le ditheo (kwalelano yotlhe ya kwa ntle)
tokomae e e malebana le diphousetara, dipampitshana le tokomane nngwe le nngwe e e yang go phasaladiwa kwa setšhabeng kwa lefelong lengwe le lengwe
Diforomo tse dintšhwa tsa tlhomo
Diporofoma tsa tlhomo
Gakologelwa gore Letlhomeso la Pholisi la Puo la Bosetšhaba la Puso le re pateletsa go tlhaeletsana le batho ka dipuo tsa bona tsa tlhopho (http://www.dac.gov.za). Ikgolaganye le rona fa o batla tshedimosetso e nngwe malebana le ka moo o ka dirang se.
Se sengwe gape ka ga ditirelo tsa rona tsa boranoledi
Karolo ya boranoledi e na le ditlhokego tse di kgethegileng. Ga ntsi mo SAPS, mefuta e le mebedi ya boranoledi e ya go dirisiwa, e leng boranoledi jwa tatelano, mo tshedimosetso e neelwang mo puong e nngwe morago ga gore motho a bue, le boranoledi ka nako e le nngwe, mo tshedimosetso e neelwang mo puong e nngwe (kgotsa go feta puo e le nngwe e nngwe) fa motho a tsweletse a bua. Mo ntlheng e, re ka dirisa sedirisiwa sa boranoledi sa go seba, mo o tla reetsang moranoledi mo megaleng ya mo ditsebeng.
Mo dintlheng ka bobedi, dibui di tshwanetse go gakologelwa gore moranoledi o tshwanetse go reetsa se se buiwang, a bo a nanolela tshedimosetso kwa puong e nngwe. Ka jalo, go botlhokwa go bua sentle le ka bonya go neela moranoledi tšhono e e lekaneng ya go ranola. Mo ntlheng ya boranoledi ka tatelano, go botlhokwa go ema gangwe le gape, gore moranoledi a tlhaloganye se se builweng.
Gape gakologelwa go senolela moranoledi sebui le batho, le go gakologelwa go akaretsa moranoledi kgotsa baranoledi mo dithulaganyong tsa gago tsa dijo.
Dikopo tsa ditirelo tsa boranoledi di tshwanetse go re fitlhelela dibeke di le pedi pele ga tiragalo, gore re tle re rulaganye go nna teng ga moranoledi le go bona tirelo. Dikopo tse di thari di tla fitlhelelwa ka moo go kgonegang, fela di ka se netefadiwe.
O ka re fitlhela kwa kae?
O fitlhelela ditirelo tsa rona tsa phetolelo le tsa go tseleganya jang?
Fa o na le tokomane ka ileketeroniki, o ka re imeilela yona. Se, ke tsela e e nonofileng thata e e tshwanetseng go latelwa. Gongwe, o ka re fekesetsa khophi kgotsa wa e romela. Fa o romela khophi, mme o batla gore re dire ditshiamiso mo khomphiutareng, gakologelwa go tsenya disikete e e nang le tokomane ya ileketeroniki.
Ditokomane tsotlhe tse di romelwang kwa go rona di tshwanetse go patiwa ke tsebe ya fa ntle (LM 01) e e nang le dintlha tsa gago le dintlha tsa tirelo e o e batlang. Se, se ka bonwa mo dikantorong tsa rona kgotsa ka go dirisa websaete e: www.is.org.za.
Ditirelo tsa puo tsa porofense
Ditirelo tsa Puo tsa Porofense ya Gauteng ke yona fela yuniti ya puo ya porofenseng mo SAPS ga jaanong. Ditirelo tsa Puo tsa GP di ka thusa badiri mo porofense ka ditirelo tsa puo ka Seesimane le Seaforikanse e bile di tla romela dikopo tsotlhe tsa ditirelo tsa puo tse di ka se kgoneng go samagana le tsona kwa Botsamaising jwa Puo, kwa Kantorongkgolo.
Kwa bokhutlong
Re tlotla tlhaeletsano le badirelwa ba rona le go tsaya go fitlhelela ditlhokwa tsa gago e le selo se se botlhokwa. Fa o akanya gore ga re a ka ra kgona go dira se, kgotsa o na le dikakanyo mabapi le ka moo re ka kgonang go tokafatsa tirelo ya rona ka teng , tsweetswee o se ke wa okaoka go re bolelela ka ga sona. Rotlhe re ka kgona go dira malebana le go netefatsa fa tirelo ya puo e e maatla e bile e nonofile e le mo diatleng tsa gago.
